TSAMAISO YA BOKOA JWA KHUTSAFALO YA TOBEKANO MO MOWENG MORAGO GA TIRAGALO E E MASWE LE MAKOA A MANGWE A BOLWETSE JWA TLHALOGANYO MO SAPS
Thibelo
Kalafo
Tolamiso ya tiro
Kgotsa
Tholotiro ka ntlha ya bokoa jwa boitekanelo
Matseno
Rotlhe re itemogela khutsafalo ka dinako dingwe mo matshelong a rona. Khutsafalo e e feteletseng ka nako e telele e ka nna kotsi mo boitekanelong jwa mmele jwa gago, mo tolamong ya gago ya maikutlo le mo mererong ya gago ya botsalano.
Makoa a bolwetse jwa tlhaloganyo le matshwao
Makoa a a tlwaelegileng a a itemogelwang ke badiri ba SAPS ke bokoa jwa khutsafalo ya tobekano mo moweng morago ga tiragalo e e maswe ( PTSD ) le tobekano ya maikutlo e gantsi e golaganngwang le PTSD.
PTSD ke mofuta o o masisi wa tlhobaelo e gantsi e itemogelwang morago ga gore motho a amege mo kotsing e e masisi, sekao, a le fa tirong.
Tobekano ya maikutlo ke tsibogo ya maikutlo malebana le dihutsafatsi tsa botshelo tse di farologaneng. [Tlhalosetsa batho ba ba ka tswang ba sa tlwaela mareo a saekholoji lereo le' sehutsafatsi ']
Matshwao a makoa a bolwetse jwa tlhaloganyo ke a a latelang:
Poeletso ya ditiragalo tse di masisi mo megopolong, mo ditorong tse di boitshegang le mo dipoelomoragong
Letshogo le le feteletseng ka ga ( le maiteko a go tila ) maemo a a go gopotsang ka ga tiragalo e e masisi
Go ikgogela morago mo ditirong tsa loago le mo go tse dingwe
Mathata a tebisomogopolo le a kgakologelo
Tlhaelo ya thotloetso le maatla
Go tenega kgotsa go galefa
Go tlhobaela
Temogo go sale gale le thibelo
PTSD ke bolwetse jo bo alafegang. Go ya ka dipalopalo, diperesente di le 90 tsa batho ba ba alafelwang PTSD ba tokafala sentle. Ba bangwe ba kgona go boela kwa ditirong, mme ba fitlha ba dira sentle kwa ditirong.
Dikgato tsa thibelo ke tse di latelang:
Go ithuta mekgwa e e nonofileng ya tsamaiso ya khutsafalo e e jaaka-
go dirisa dithekeniki tsa go itapolosa, go nna le seabe mo ditirong tsa boitapoloso le go tlhola botsalano jo bo siameng jo bo kgotlelelang.
Go kopa thuso fa khutsafalo e simolola. Ga se sesupo sa bokoa go kopa thuso fa o ikutla o retelelwa ke go kgotlelela maemo. O ka nna wa bua le-
badirimmogo balelapa le ditsala, molaodi wa gago, le bagakolodi ba porofešenale ba SAPS ba ba thusang mekgatlho e e thusang badiri go ya ka Lenaane la Thuso la Badiri ( EAP ) .
Kalafo
Fa matshwao a PTSD le/ kgotsa tobekano ya makutlo e tswelela pele, latela dikaelo tse di latelang:
Kopa kgakololo mo malaoding wa gago mabapi le ka mo o ka rarabololang maemo a gago ka teng.
Dira tumalano le ngaka ya gago e e tshwanetseng go go romela sekao, kwa ngakeng ya bolwetse jwa tlhaloganyo ( go alafiwa ) le kwa go mosaekholoji ( go alafiwa bolwetse jwa tlhaloganyo ka mekgwa ya saekholoji ) .
Kopa thusa mo Ditirelong tsa Thuso tsa Badiri tsa SAPS ( EAS ) fa o akanya go dirisa go alafiwa bolwetse jwa tlhaloganyo ka mekgwa ya saekholoji. Ga se fela gore se ke tlhopho e e somarelang ditshenyegelo, gape bagakolodi ba EAS ba tlwaetse mekgwa ya dikotsi tse di masisi tse maphodisa ka gale a lebaganeng le tsona fa a le fa tirong.
Tolamiso ya tiro
Morago ga go alafelwa PTSD kgotsa bokoa jo bongwe jwa bolwetse jwa tlhaloganyo, go na le kgonagalo ya gore go ka atlanegisiwa gore o sutisediwe kwa maemong a tiro a a senang khutsafalo e ntsi. Tshwetso e e mabapi le tshutiso ya gago e tshwanetse go diriwa ka dipuisano magareng ga gago, Botsamaisi le baitseanape ba boiphediso ba SAPS. Botsamaisi bo tshwanetse go go tshegetsa ka motsi o wa tolamiso.
Go diragala eng fa kalafo e sa lere tokafalo mo maemong a gago?
Fa kalafo ya paka e e amogelesegang e sa lere go tokafala, go ka akanngwa ka tholotiro ka ntlha ya bokoa jwa boitekanelo. Ntlha e, e ka sekasekiwa morago ga gore Molaodi wa Kotsi ya Boitekanelo a dire tlhotlhomiso ka botlalo. Tshekatsheko ya ngaka ya bolwetse jwa tlhaloganyo e e ikemetseng e nna le seabe mo tlhotlhomisong ya Molaodi wa Kotsi ya Boitekanelo.
Botsamaisi jwa makoa a bolwetse jwa tlhaloganyo bo lebelela kalafo le tokafalo. Ka jalo, tholotiro ya bokoa jwa boitekanelo e tshwanetse go sekasekiwa e le ntlha ya kwa bofelong fela.
Mogala wa thuso
Setheo sa Tshegetso ya Thuso ya Badiri: 0860103055
Tlhobaelo, Tobekano ya maikutlo le Bokoa jwa Khutsafalo ya Tobekano mo moweng morago ga tiragalo e e maswe
Lemoga matshwao:
Dipoelomorago
Tlhobaelo e e feteletseng
Go tlhobaela
Go galefa
Go ikgogela morago
Kopa thuso ka go bua le-
Mookamedi wa gago
Ditirelo tsa Thuso tsa Badiri tsa SAPS, kgotsa
Setheo sa Tshegetso ya Thuso ya Badiri mo nomorong e e latelang: 0860103055
